Motsana wa KopongTst DS EeGg cea

Kopong
Kopong is located in Botswana
Kopong
Location in Botswana
Coordinates: 24°28′7″S 25°53′32″E / 24.46861°S 25.89222°E / -24.46861; 25.89222
Country Flag of Botswana.svg Botswana
District Kweneng District
Population (2001)
 • Total 5,571

Kopong ke motsana o o mo kgaolong ya Kweneng mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a mabedi le botlhano go dikologa Gaborone, toropokgolo ya Botswana. Palo tsa batho di ne di le makgolokgolo a matlhano, makgolo a matlhano le masome a bosupa le motso mo palo bathong ya ngwaga wa 2001,mme se sa dira gore a nne mo legatong la borataro la nngwe ya metse e e metona mo Kweneng.[1]

Ditlhabololo di tlisiwa kwa motseng wa Kopong[baakanya | edit source]

Banni ba motse wa Kopong ba iteetse legofi dikago tsa motlobo wa dibuka tse di tlaa agiwang kwa motseng oo ke lekgotla lengwe la baithaopi go tswa kwa Amerika la Rothchild Foundation, tse di tlaa lopang madi a a fetang P540 000.Kgosi Michael Molefe wa motse oo, o supile boitumelo kwa phuthegong ya kgotla a amogela le go lekodisa mopalamente wa kgaolo ya Kweneng Botlhaba, Rre Moeng Pheto ka dingwe tsa dikgang tsa motse oo.O boletse fa ba setse ba bone setsha se dikago tseo di tlaa agiwang mo go sone, a ba a re ba solofela fa tshimolodiso ya dikago tseo e ka nna nako nngwe mo kgweding e e tlang.

Kgosi Molefe o kgothaditse batho ba motse oo go nna le seabe mo tirong eo, ka jaana dikago tseo e tlaa bo e le bontlha bongwe jwa ditlhabololo tse di tlaa tlotlomatsang motse wa bone.A re ba dumalane gore mongwe le mongwe mo motseng oo a ntshe P5 e le seabe sa gagwe.A re bana ba dikole le bone ba atlile thata mogopolo oo, le gore bangwe ba setse ba simolotse go ntsha P2.A re baithaopi bao gape ba boletse fa ba ba nnileng le seabe ba tlaa neelwa karata e le sesupo sa seabe mo kagong eo.E rile a ntsha la gagwe, Rre Pheto a re gantsi batho ba ikgatholosa mowa wa boipelego, ba lebala fa mokoduwe go tsoswa o o itekang.Rre Pheto le ene o kgothaditse batho ba motse oo go supa mowa wa tshwaragano, a re fa ba sa dire jalo seo se ka kgoba batho marapo.O boletse fa baithaopi bao ba setse ba agile dikago tsa mofuta oo tse di nang le maranyane a segompieno kwa motseng wa Mmankgodi.

Borukuthi mo motsaneng wa Kopong[baakanya | edit source]

Banni ba motse wa Kopong ba boletse fa ba tshwenngwa ke manweenwee a a ba tsietsang a ba tseela dikoko.Ba boletse jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Kweneng Botlhaba, Major General Moeng Pheto ka Laboraro.E rile fa ba tlhalosetsa mopalamente ba bolela fa go na le batho bangwe ba ba tsamayang mo kgaolong ba ikaya e le ba Twantsho Matlhoko a Leruo mme ba bolela fa go na le bolwetse bongwe jwa dikoko jo bo tlhagogileng.Banni ba boletse fa dirukutlhi tse di ba bolelela gore di laetswe go tla go bolaya dikoko tsotlhe mo motseng ba bo ba di tshuba.Ba ne ba tshwaela ba bolela gore dilalome tse di leka go timetsa motlhala ka go ba bolelela gore madi a phimolo dikeledi ke dipula tse tlhano (P5) mo kokong nngwe le nngwe.Mongwe wa batswasetlhabelo Mme Diile Motlanyana o ne a tlhalosa fa a utlwaletse ka maepantlo a ka podi ya tsela mme a batla a ganyaola dikoko tsa gagwe ntle le molato. A re o ne a nna sebete se molangwana ka a ne a se kile a utlwa ope wa bagolwane ba motse ba umaka kgang epe ka go tlhagoga ga bolwetse jwa dikoko. A re se se ne sa dira gore a bitse bana ba gagwe go tswa Gaborone a ba tlhagisa ka kgang e mme le bone ba ne ba gakgametse fela thata.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Michael Molefe a bolela fa mafoko ao a le maa mo ditsebeng tsa gagwe. O ne a tlhagisa banni ba motse gore borukutlhi bo tla ka methale e e farologaneng mme go botlhokwa gore sethaba se itlhokomele. O tsweletse ka go tlhalosa gore phetogo nngwe le nngwe e e tlang mo motseng e itsisiwe bagolwane ba motse gore ba e fitisetse kwa morafeng.A re batho bao ba dira borukutlhi ka jalo ba tshwanelwa ke go tseelwa dikgato tse di maleba.

Dipadi tse dingwe[baakanya | edit source]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. http://web.archive.org/web/20071124145459/http://www.cso.gov.bw/html/census/dist20_30_31.html. Retrieved 2008-02-10. 

Template:Kweneng District Template:Botswana largest cities Coordinates: 24°28′7″S 25°53′32″E / 24.46861°S 25.89222°E / -24.46861; 25.89222 [[Category: Mafelo a a nang le batho ba bantsi mo Botswana]]

RinIXDtU5u nZz Luu esxe p Mmt067TVvIdUMmWc tunnh I

Popular posts from this blog

Create Tmux pane with sudo from sudoed pane?.piWw X ZOo Yyxj cāhr XesY Nnu F

Unreal Enginee pth3ren:noiI oct Tend Rr teAftm

Plėnakiaiуки H 59lуюOo _пкf Ml; ak о